Fetela kwa diteng tsa botlhokwa

Thibelo ya Tsietso

Ka ntlha ya go gola ga maano a bomenetseri a dijithale le diteko tsa phishing, go botlhokwa go itse kafa lo ka ithibelang kgatlhanong le go wela mo tsone. Re rotloetsa badirisi botlhe go itse kafa ba ka lemogang le go tila maano a bomenetseri a phishing.

Dimatshwao tsa bofora ba phishing

Diphoso tsa go kwala

Maiteko a mantsi a bophisi a na le diphoso tsa mokwalo le tsa thutapuo, ka gonne baferefere ga ba tlwaele go dirisa bakwadi ba dikuno ba profeshenale go lekola dikuno tsa bone.

Dikgokagano le dikonelo tse di belaetsang

Melaetsa ya phishing e na le dikgokagano le diatjhimente tse di kotsi tse di reretsweng go utswa tshedimosetso ya lona ya botho kgotsa go tsenya malware. Dikgokagano tse di na le diphoso tsa mokwalo wa diwebosaete tsa mmatota, kgotsa di tsentswe mo didomaneng tse di belaelesegang tse di sa sireletsegang.

Potlako

Go tlhoma maikutlo a potlako, poifo, kgotsa boitumelo go lo kgoromeletsa go dira ka bonako ke leano le le tlwaelegileng la boferefere. Ba batla gore lo tshwenyege, gore lo ba neye tshedimosetso ya lona mme lo fetse thelansaksheni ka bonako kwantle ga go akanya.

Ditsholofetso tsa madi a motlhofo

Diprofaele tse di itirang jaaka tsa batho ba sele di tla re lo fentse madi mme di kope password kgotsa nomoro ya banka ya lona. Deriv ga e kope ditlhokomelo tsa lona tsa botho kgotsa tsa madi ka social media. Seo se akaretsa dinaane le dikgwebisano tsa mahala.

Barometsi ba ba sa itsiweng

Diteko tsa phishing di tswa mo diaterese tsa imeile le diporofaele tsa social media tse di tshwanang le tsa rona, mme di na le diphoso tsa mokwalo mo maineng. Ikanyeng fela tshedimosetso e e tswang mo diporofaeleng tsa social media tse di beilweng kwa tlase ga webosaete ya rona.

Go tila bofora jwa phishing jang

Se tobetse dikgolagano (links) ka bonako

Emisang curser ya lona mo godimo ga URL pele lo e tobetsa go bona kgolagano. Fa kgolagano e sa tsamaelane le domain ya rona kgotsa e lebega e sa tshepagale, se e tobetseng.

Se lhatlhele difaele

Se bule ditsenyo (attachments) tse di nang le maneelo (extensions) a a jaaka .exe, .com, .bat, le .scr, fa lo sa a lebeletse. Mefuta e ya difaele e ka nna le malware.

Se dire sepe ka bonako

Se dire tuelo kgotsa go neela tshedimosetso ya botho fa lo gatelediwa go dira jalo. Re tla lo ikgolaganya ka diimeile tse di felelang ka @deriv.com, info.deriv.com, kgotsa ka live chat fa go tlhokega.

Se abelane tshedimosetso ya botho

Se abeleng tshedimosetso ya botho jwa lona kwa ntle ga go netefatsa moromedi. Dintlha tsotlhe tsa sephiri di dirwa ka WhatsApp kgotsa live chat le setlhopha sa rona sa Thuso ya Bareki.

Se arabe melaetsa

Thibelang megala e e sa itsiweng, bikang di-email tse di belaetsang, mme lo ikgolaganye le setlhopha sa rona sa Thuso ya Bareki fa lo kopana le diprofaele tse di belaetsang mo mafelong a tshekamano a loago.

Se tshabe go botsa

Ikgolaganyeng le rona ka live chat fa lo sa itlhomamiseng kaga email kgotsa profaele ya social media, mme re tla netefatsa gore a e tswa kwa Deriv.

Ithuteng mo go oketsegileng ka go ipoloka lo sireletsegile

Balang kaedi ya rona ya kgwebisano e e sireletsegileng le e e ikarabelang go itse go oketsegileng ka ga go sireletsa akhaonto ya lona.

Tsenang mo badirisanong ba ba fetang 3M
ba lefatshe ka bophara

Bulang akhaonte mo metsotsong e metlha mme lo simolole go kgwebisana mo mimarakeng ya lefatshe — forex, stocks, diindekese, le tse dingwe.

WhatsApp